Acts 4

Go tshwarwa ga ga Petere le Johane

1Mme ya re ba santse ba bua le batho, baperesiti ba bagolo le molaodi wa mapodisi a Tempele, le bangwe ba Basadukai ba tla kwa go bone, 2ba tshwenyegile thata ka ntlha ya gore Petere le Johane ba ne ba bolela gore Jesu o tsogile mo baswing. 3Ba ba tshwara, mme ka go ne go setse go le maitsiboa, ba ba tlhatlhela mo tlung ya kgolegelo bosigo jotlhe. 4Mme bontsi jwa batho ba ba utlwileng molaetsa wa bone ba o dumela, mo e leng gore palo ya badumedi e ne ya tsholetsega ya batla go nna dikete tse tlhano!

5Erile ka letsatsi le le latelang ga diragala gore Lekgotla la baeteledipele ba Sejuta le bo le phuthegetse mo Jerusalema. 6Anase Moperesiti yo mogolo a bo a le teng, le Kaiafase, Johane, Alekesandere le ba bangwe ba losika lwa Moperesiti yo Mogolo. 7Jalo barutwa ba babedi ba leriwe kwa go bone. Mme lekgotla la ba botsa la re, “Lo dirile selo se ka nonofo ya ga mang kgotsa ka taolo ya ga mang?”

8Mme Petere, ka a tletse Mowa O O Boitshepo a ba raya a re, “Baeteledipele ba ba tlotlegang le ditlhogo tsa sechaba sa rona, 9fa lo raya tiro e ntle e e diretsweng segole se, le ka fa o neng a fodisiwa ka teng, 10a nke ke lo bolelele sentle lona le batho botlhe ba Iseraele gore tiro e e dirilwe ka leina le nonofo ya ga Jesu wa Nasaretha, Mesia, monna yo lo mmapotseng, mme Modimo o mo tsositse mo baswing. Ke ka nonofo ya gagwe fa monna yo a eme fano a fodile! 11Gonne Jesu Mesia (ene yo go buiwang ka ga gagwe mo dikwalong) ke ‘lentswe je le gannweng ke baagi le le neng la nna lentswe la kgokgotshwana.’ 12Ga go na poloko mo go ope! Ka fa tlase ga legodimo lotlhe ga gona leina lepe le batho ba ka le bitsang gore ba bolokwe.”

13Erile Lekgotla le bona bopelokgale jwa ga Petere le Johane, gape le lemoga gore ga ba a rutega ke batho fela, ba hakgamala mme ba lemoga gore go nna le Jesu go ba diretse eng. 14Mme Lekgotla le ne le se kake la latola go fodisiwa ga gagwe gonne motho yo o neng a fodisitswe o ne a eme gone foo gaufi nabo! 15Mme ba ba ntshetsa kwa ntle ga ntlwana e Lekgotla le kopanelang mo go yone ba sala ba gakololana.

16Ba botsana ba re, “Re tlaa dirang ka banna ba? Ga re ka ke ra ganela gore ba dirile kgakgamatso e kgolo, gonne mongwe le mongwe mo Jerusalema o itse ka ga selo se. 17Mme gongwe re ka ba emisa mo go anamiseng tumelo ya bone. Re tlaa ba bolelela gore fa ba ka dira gape jalo re tlaa dira gore ba obamele molao wa rona ka kgang.”

18Mme ba ba biletsa mo teng, ba ba raya ba re ba seka ba tlhola ba bua sepe ka ga Jesu.

19Mme Petere le Johane ba ba raya ba re, “Atlholang lona gore a Modimo o batla re reetsa lona mo boemong jwa one! 20Ga re ka ke ra khutlisa go bua ka dilo tse di ntle tse re bonyeng Jesu a di dira ebile re mo utlwile a di bua.”

21Mme Lekgotla la ba bopela, lwa bofelo ba ba lesa ba tsamaya gonne ba ne ba sa itse gore ba ka ba otlhaya jang kwa ntle ga go tsosa mokubukubu. Gonne mongwe le mongwe o ne a galaletsa Modimo ka ntlha ya tiro e ntle e, 22ebong phodiso ya monna yo o saleng a lwetse dingwaga di le masome mane!

23Ka bofefo fela fa ba sena go gololwa, Petere le Johane ba bona barutwa ba bangwe mme ba ba bolelela se Lekgotla le se ba reileng.

24Mme badumedi botlhe ba kopanela thapelo e: “Oo Morena yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsone, 25
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 4:26.
26
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 4:25-26.
o buile bogologolo ka Mowa O O Boitshepo ka mogolwagolwane wa rona, motlhanka wa gago Kgosi Dafide, wa re ‘Ke ka ntlha yang fa baheitane ba tsogologela Morena, le merafe e e dieleele e dira maanonyana a a kgatlhanong le Modimo-Mothata-Yotlhe? Dikgosi tsa lefatshe di a kopana go tlhabantsha Morwa Modimo yo o tloditsweng!’

27“Ke sone se se diragalang fano mo motseng o gompieno! Gonne Kgosi Herode, le Ponto Pilato mmusi, le ba-Roma botlhe le batho ba Iseraele, ba kopanetse Jesu, Morwa yo o tloditsweng, motlhanka wa gago yo o boitshepo. 28Ga ba na go tlogela le fa e le sepe se wena mo nonofong ya gago o tlaa ba letlang go se dira. 29Mme jaanong Morena, utlwa go bopa ga bone, mme o neye batlhanka ba gago bopelokgale jo bogolo mo therong ya bone, 30o bo o romele nonofo ya gago ya phodiso, le dikgakgamatso di le dintsi le ditshupo di dirwe ka leina la motlhanka wa gago yo o itshepileng Jesu.”

31Morago ga thapelo e, kago e ba neng ba kopanetse mo go yone ya tshikinyega, mme botlhe ba tlala Mowa O O Boitshepo mme ba rera molaetsa wa Modimo ka bopelokgale.

32Badumedi botlhe ba ne ba le pelo e le nngwe le mowa o le mongwe, mme ga bo go sena ope yo o reng sepe sa dilo tse o nang natso ke sa gagwe; mme dilo tsotlhe ba ne ba di tlhakanetse. 33Mme baaposetoloi ba rera dithero tse di nonofileng ka ga tsogo ya ga Morena Jesu, mme ga nna le bolekane jo bo nitameng mo badumeding botlhe. 34
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 4:35.
35
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 4:34-35.
Go ne go sena ope yo o tlhokang, gonne botlhe ba ba neng ba na le ditsha kgotsa matlo ba ne ba a rekisa ba tlisa madi kwa baaposetoloing go a abela ba ba tlhokang.

36Jaaka go ne go na le Josefa, (yo baaposetoloi ba neng ba mmitsa “Barenabase wa Moreti!” E ne e le wa Balifi ba kwa setlhaketlhakeng sa Kupero). 37E ne e le mongwe wa ba ba neng ba rekisa ditsha tsa bone tse ba neng ba na natso mme ba tlisa madi kwa baaposetoloing gore ba a abele ba ba tlhokang.
Copyright information for TsnLEF